John 6

Jesu o fepa dikete tse tlhano

1Morago ga mo, Jesu a kgabaganya Lewatle la Galalea, le le itsegeng gape ka leina la Tiberia. 2
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 6:5.
3
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 6:5.
4
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 6:5.
5
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 6:2-5.
Mme bontsi jo bogolo jwa batho, jo bontsi jwa bone e neng e le batsamai ba ya Jerusalema kwa moletlong wa Tlolaganyo, ba bo ba mo setse mo-rago gongwe le gongwe kwa a yang teng, go mmona a fodisa balwetse. Mme erile Jesu a sena go tlha-tlogela mo thabeng a nna fa fatshe, barutwa ba gagwe ba mo dikaganyeditse, mme a tloga a bona bontsi jo bogolo jwa batho bo tlhatloga thaba bo mo senka. Hong a retologela kwa go Filipo a mo raya a re, “Filipo, re ka reka senkgwe kae go fa batho ba botlhe?”
6(O ne a leka Filipo, gonne o ne a setse a itse se a neng a ya go se dira).

7Filipo a fetola a re, “Go tlaa lopa madi a mantsi thata go simolola go dira jalo!”

8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 6:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 6:8-9.
Mme Anderea, monnaa Simone Petoro, a bua a re, “Go na le mosimanyana fano yo o tshotseng dinkgwe tsa korong di le tlhano le ditlhapi di le pedi! Mme go ka thusang fa batho ba le bantsi jaana?”

10Mme Jesu a ba raya a re, “Rayang mongwe le mongwe a nne fa fatshe,” mme botlhe fela ba nna fa fatshe mo bojannye, mme palo ya banna ba le bosi e ne e ka nna dikete di le tlhano. 11Hong Jesu a tsaya dinkgwe, a di lebogela, a di naya batho. Morago ga moo a dira fela jalo ka ditlhapi. Mme mongwe le mongwe a ja a kgora!

12Mme Jesu a ba raya a re, “Kokoanyang masalela, gore le fa e le sepe se seka sa latlhwa.” 13Mme diroto di le lesome le bobedi tsa tlala masalela ao!

14Erile fa batho ba lemoga kgakgamatso e tona tona eo e e diragetseng, ba bua ka kgakgamalo ba re, “Ammaaruri, ke mopopofiti yo re ntseng re mo solofetse!”

15Mme erile ka go bua jalo, Jesu a bona gore ba ipaakanyeditse go mo tsaya ka pateletso go mo dira kgosi ya bone, hong a tlhatlogela kwa godimo mo dithabeng a le nosi.

Jesu o tsamya mo godimo ga metsi

16Mo maabanyaneng ao barutwa ba gagwe ba fologela kwa lotshitshing go mo emela teng.

17Mme erile go nna lefifi Jesu a ise a tle, ba tsena mo mokorong ba kgabaganya lewatle go ya Kaperenama. 18
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 6:19.
19
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 6:18-19.
Mme ka bofefo ga tsoga phefo e kgolo thata mo lewatleng, ya ba tsubutletsa le mokoro o ba neng ba o kgweetsa, le lewatle la rwalelesega. Mme le fa go ntse jalo, erile ba ka ne ba tsamaile bommaele ba le bararo kgotsa ba le bane, ka tshoganetso ba bona Jesu a tsamaela ntlheng ya mokoro! Mme ba tshoga thata,
20mme a ba bitsa a re se boifeng.

21Mme ba eletsa go mo tseela mo teng, mme ka bofefo mokoro wa goroga kwa ba neng ba ya teng! 22
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 6:23.
23
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 6:22-23.
Mme ya re mo mosong o o latelang, morago ga ba kgabaganya lecha, bontsintsi jwa batho jwa simolola go phuthaganela mo lotshitshing (bo emetse go bona Jesu). Gonne ba ne ba itse gore barutwa ba ne ba tsamaile ka mokoro wa bone ba mo tlogela kwa morago. Mekoro e mennye e le mentsinyana e e tswang kwa Tiberia e ne e le gautshwane,
24mme erile batho ba bona gore Jesu o ne a seyo foo, le fa e le barutwa ba gagwe, ba tsena mo mekorong ba kgabaganyetsa kwa Kaperenama go ya go mo senka teng.

Jesu ke senkgwe sa botshelo

25Erile fa ba goroga ba mmona ba re, “Morena o tsile fano jang?”

26Jesu a ba fetola a ba raya a re, “Boammaaruri jwa potso ya lona ke gore lo batla go nna le nna gonne ke lo file dijo, e seng ka ntlha ya gore lo dumela mo go nna. 27Jalo he, ga lo a tshwanela go baya mo dilong tse di nyelelang jaaka dijo. Nnyaa, dirisang nonofo ya lona ka go batla botshelo jo bo sa khutleng jo nna Morwa Motho ke ka bo lo nayang. Gonne Modimo Rara o nthomile gone go dira jalo.”

28Mme ba mo fetola ba re, “Re tshwanetse go dira eng go itumedisa Modimo?”

29Jesu a ba raya a re, “Go rata ga Modimo ke gore lo dumele mo go yo o mo romileng.”

30
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 6:31.
31
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 6:30-31.
Ba fetola ba re, “O tshwanetse go re bontsha dikgakgamatso tse dingwe fa o batla gore re dumele gore o Mesia. Re fe dijo mahala malatsi otlhe, jaaka borraa rona ba ne ba di fiwa fa ba tsamaya ba raletse sekaka! Fela jaaka dikwalo di re, ‘Moshe o ba neetse senkgwe se se tswang legodimong’.”

32Jesu a ba raya a re, “Moshe ga a ise a ke a se ba neele. Rre ke ene yo a neng a se ba naya. Mme jaanong o lo fa senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong. 33Senkgwe sa boammaaruri ke Motho, yo o romilweng ke Modimo a tswa legodimong, mme ene o neela lefatshe botshelo.” 34Mme ba mo raya ba re, “Morena, re nnele senkgwe se mo matshelong a rona malatsi otlhe!” 35Mme Jesu a re, “Ke nna Senkgwe sa Botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go nna yo o tlaa tlholang a bolawa ke tlala gape. Ba ba dumelang mo go nna ga ba kitla ba tlhola ba nyorwa. 36Mme molato fela ke gore, jaaka ke lo boleletse pele, ga lo dumele le fa tota lo mponye. 37Mme bangwe ba Rara a ba nneileng ba tlaa tla kwa go nna mme ga nkitla ke ba gana. 38Gonne ke tsile fano ke tswa legodimong go tla go dira go rata ga Modimo o o nthomileng, e seng go rata ga me. 39Mme mo ke go rata ga Modimo go re, ‘Ke seka ka latlhegelwa le fa e le ke a le mongwe fela mo go botlhe ba o ba nneileng, mme e leng gore ke ba tsosetse botshelong jo bo sa khutleng ka Letsatsi la Bofelo.’ 40Gonne ke go rata ga ga Rre gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwawe a ba a dumela mo go ene o tshwanetse go nna le botshelo jo bo sa khutleng, gore ke tle ke mo tsose ka Letsatsi la Bofelo.”

41Hong Bajuta ba simolola go mo ngongoregela, gonne a re ke Senkgwe se se tswang legodimong.

42Ba hakgamala ba re, “A reng? Gonne re mo itse e le Jesu fela, morwa Josefa yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng. O rayang fa a re o fologile kwa legodimong?”

43Mme Jesu a fetola a re, “Se ngongoregeng ka ntlha ya go bua ga me jalo. 44Gonne ga go ope yo o ka tlang kwa go nna fa e se Rara yo o nthomileng a mo gogela kwa go nna, mme ka Letsatsi la Bofelo ke tlaa mo tsosa. 45Jaaka go kwadilwe mo Dikwalong, ‘Botlhe ba tlaa rutwa ke Modimo.’ Ba Rara o buang nabo, ba ba ithutang boammaaruri mo go ene, ba tlaa tla kwa go nna. 46(Ga go ope yo o bonyeng Rara, ke nna fela yo ke mmonyeng).

47“Ke bua ka go gatelela ke re, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o setse a na le botshelo jo bo sa khutleng! 48Ee, ke senkgwe sa botshelo. 49Go ne go sena botshelo bope mo senkgweng se, se se neng se tswa mo loaping, se se neng sa neelwa borraeno mo sekakeng, gonne botlhe ba ne ba a swa. 50
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 6:51.
51
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 6:50-51.
Mme go na le senkgwe tota se se tswang legodimong se se nayang mongwe le mongwe yo o se jang botshelo jo bo sa khutleng. Mme ke sone senkgwe seo se se tshelang se se fologileng kwa Legodimong. Le fa e le mang yo o jang senkgwe se o tlaa tshelela ruri; mmele wa me ke sone senkgwe se, se ntsheditswe go golola batho.”

52Hong Bajuta ba simolola go ganetsanya kaga se a se rayang. Ba re, “Monna yo o ka re naya nama ya gagwe gore re e je?”

53Hong Jesu a ipoeletsa a re, “Ka tlhomamiso yotlhe e ke nang nayo ke lo raya, ke re: fa lo sa je nama ya Morwa Motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo ka ke lwa nna le botshelo jo bo sa khutleng mo go lona. 54Mme le fa e le mang yo o jang nama ya me a ba a a nwa le madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tlaa mo tsosa ka Letsatsi la Bofelo. 55Gonne nama ya me ke dijo tsa boammaaruri, le madi ke seno sa boammaaruri.

56“Mongwe le mongwe yo o jang nama ya me a ba a a nwa madi a me o mo go nna, le nna ke mo go ene. 57Ke tshela ka nonofo ya ga Rara yo o tshelang yo o nthomileng, mme fela jalo ba ba njang le bone ba tlaa tshela ka ntlha ya me! 58Ke Senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong; mme le fa e le mang yo o jang Senkgwe se, o tlaa tshelela ruri, a sa swe jaaka borraeno ba ne ba a swa, le fa ba ne ba jele senkgwe se se tswang legodimong.” 59(A rera thero e mo ntlung ya thuto mo Kaperenama).

Barutwa ba a belaela

60Le barutwa ba gagwe tota ba re, “Golo mo go thata go tlhaloganngwa. Ke mang yo o ka thalosang se a se rayang?” 61Jesu a itse mo pelong ya gagwe gore barutwa ba gagwe ba ne ba ngongorega mme a ba raya a re, “A golo mo go a lo kgopisa? 62Mme lo tlaa akanya eng fa lo mpona, Morwa Motho, ke boela kwa legodimong gape? 63Mowa O O Boitshepo ke one fela o o nayang botshelo jo bo sa khutleng. Ba ba tsetsweng gangwe fela ka tsalo ya senama, ga ba kitla ba amogela mpho e. Mme jaanong ke lo boleletse ka fa lo ka nnang le botshelo jo jwa semowa ka teng. 64Mme bangwe ba lona ga ba ntumele.” (Gonne Jesu o ne a sale a itse kwa tshimologong ba ba neng ba sa dumele le yo o tlaa mo okang).

65Mme a re, “Ke sone se ke neng ke se raya fa ke re ga go na ope yo o ka tlang kwa go nna fa e se Rara a mo lere kwa go nna.”

66Erile fela gone foo barutwa ba gagwe ba le bantsintsi ba mo furalela ba mo tlogela.

67Mme Jesu a retologela kwa go ba ba lesome le bobedi a ba botsa a re, “A le lona lo a tsamaya?” 68Mme Simone Petoro a fetola a re, “Morena, re ka ya kwa go mang? Ke wena fela o le esi yo o nang le mafoko a a nayang botshelo jo bosakhutleng, 69jalo he re a dumela ebile re itse gore o Morwa Modimo o o boitshepo.” 70Hong Jesu a re, “Ke tlhophile ba le lesome le bobedi ba lona, mme a le esi ke diabolo.”

71(O ne a bua ka ga Judase, Morwa Simone Isekariota, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o tlaa mo okang).
Copyright information for TsnLEF